John 7

Barutwa ba batla Jesu kwa modirong

1Erile morago ga mo, Jesu a ya Galalea, a tsena motse le motsana gonne o ne a batla go nna ka kwa ntle ga Judea kwa Bajuta ba neng ba mo logela leano la go mmolaya teng. 2Mme jaana ya bo e le lobaka lwa Mediro ya Metlaagana letsatsi lengwe la ngwaga la boitapoloso la Sejuta. 3Mme bomonnaa Jesu ba mo tlhotlheletsa gore a ye kwa Judea kwa medirong. Ba mo raya ka tshotlo ba re, “Ya kwa batho ba bantsi ba ka bonang dikgakgamatso tsa gago gone! 4Ga o ka ke wa tuma fa o iphitlha jaana! Fa o le mogolo jaana, itshupegetse lefatshe!” 5Gonne le bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene.

6Jesu a fetola a re, “Ga e ise e nne nako e e ntshwanetseng gore ke ye teng. Mme lona lo ka nna lwa tsamaya nako nngwe fela ga go na go dira pharologanyo epe mo go lona. 7Gonne lefatshe ga le ka ke la lo ila; mme nna le a nkila gonne ke le bona molato kaga sebe le bosula. 8Lona tsamayang, ke tlaa tla kwa morago fa nako e setse e siame.” 9Jalo a sala mo Galalea.

10Mme erile bomonnawe ba sena go ya moletlong, le ene a tsamaya, le fa go ntse jalo a ngwangwaela a sa bonwe ke ope. 11Baeteledipele ba Sejuta ba leka go mo senka kwa moletlong mme ba nna ba botsa gore a ope ga a ise a ke a mmone. 12Go ne, go na le ditlotlo tse dintsi kaga gagwe mo bathong. Bangwe ba re, “Ke monna yo o gakgamatsang,” fa ba bangwe bone ba ne ba re, “Nnyaa, o timetsa batho.” 13Mme ga bo go sena motho ope yo o neng a na le maikaelelo a go mmuelela mo pontsheng ka ntlha ya go tshaba ipusolosetso ya baeteledipele ba Sejuta.

Jesu o rera mo tempeleng

14Mme erile go setse go le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng mme a feta a ruta mo pontsheng. 15Baeteledipele ba Sejuta ba hakgamala fa ba mo utlwa, mme ba botsanya ba re, “Ke eng fa a itse thata jaana mme a ise a ke a tsene dikole tsa rona?”

16Mme Jesu a ba raya a re, “Ga ke lo rute megopolo ya me, fa e se ya Modimo o o nthomileng. 17Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela. 18Le fa e le mang yo o ntshang megopolo ya gagwe o a bo a ipuisa a batla go galalediwa, mme yo o batlang go tlotla yo o mo romileng, ke motho yo o siameng yo o boammaaruri. 19Ga go na ope wa lona yo o obamelang melao ya ga Moshe! Jalo ke eng fa lo ntshwaya phoso ka go sa e obameleng? Ke eng fa lo mpolaela go dira jaana?”

20Mme bontsi jwa batho jwa fetola jwa re, “O a tsenwa! Yo o lekang go go bolaya ke mang?”

21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 7:23.
22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 7:23.
23
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 7:21-23.
Jesu a fetola a re, “Ke dirile go le Sabata ke fodisa motho, mme lo ne lwa hakgamala. Mme le lona lo dira go le Sabata, fa lo obamela molao wa ga Moshe wa go rupisa (tota, le gale, mokgwa o wa go rupisa o mogologolo go na le molao wa ga Moshe); ka gore fa nako e e siameng ya go rupisa bana ba lona e tla go le Sabata, lo tswelela pele lo rupisa, jaaka lo tshwanetse. Jaanong ke eng fa ke atlholelwa go fodisa motho go le Sabata?
24Aka-nyang selo se mme lo tlaa bona gore ke bolelela ruri.”

25Bangwe ba batho ba ba neng ba nna koo mo Jerusalema ba buisanya ba re, “A monna yo ga se ene yo ba lekang go mmolaya? 26Mme ke yo fa, o rera mo mpepeneneng, ga ba mo reye sepe. A e kane e le gore baeteledipele ba rona ba bonye gore ke Mesia tota? 27Mme o ka nna Mesia jang? Gonne re itse kwa monna yo a tsaletsweng teng; fa Keresete ene a tla, o tlaa bonala fela mme ga gona ope yo o tlaa itseng kwa o tswang teng.”

28Mme Jesu mo therong ya gagwe mo Tempeleng a goa a re, “Ee, lo a nkitse le kwa ke tsaletsweng gone le kwa ke neng ka godisediwa gone, mme ke moemedi wa mongwe yo lo sa mo itseng, mme ene o Boammaaruri. 29Ke a mo itse nna ka gore ke ne ke na nae, mme o nthomile mo go lona.” 30Mme baeteledipele ba Sejuta ba batla go mo tshwara, le fa go ntse jalo ga se ka ga nna letsogo le le mo amang, gonne nako e a e beetsweng ke Modimo e ne e ise e nne yone.

31Ba le bantsi mo bontsintsing jwa batho kwa Tempeleng ba dumela mo go ene ba re, “Oai, lo solofela dikgakgamatso dife mo go Mesia tse monna yo a sa di dirang?”

32Erile Bafarasai ba utlwa gore bontsintsi bo ne bo le mo mogopolong o, bone le ditlhogo tsa baperesiti ba romela mapodise a Tempele go tshwara Jesu. 33Mme Jesu a ba raya a re, “Ga e ise e nne nako! Ke tshwanetse go nna fa ka lobakanyana. Hong ke gone ke tlaa boelang kwa go yo o nthomileng. 34Lo tlaa mpatla mme ga lo na go mpona, gape ga lo na go kgona go tla kwa ke gone!”

35Baeteledipele ba Sejuta ba akabadiwa ke polelo e, mme ba botsanya ba re, “O ikaelela go ya kae? Kgotsa o akanya go tswa mo kgaolong e a tsamaya e le moruti mo Bajuteng mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe, kgotsa le fa e le kwa go Badichaba! 36O raya eng fa a re, re tlaa mmatla mme ga re na go mmona, le gore, ‘Ga lo kitla lo kgona go tla kwa ke leng teng?’ ”

37Mo letsatsing la bofelo, e le pheletso ya malatsi a boitapoloso, Jesu a goela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Le fa e le mang yo o nyorilweng, a a tle kwa go nna a nwe. 38Gonne dikwalo tsa re dinoka tsa metse a a tshedileng di tlaa elela ditswa mo teng ga yoo o dumelang mo go nna.”

39(O ne a bua ka Mowa O O Boitshepo, o o tlaa newang mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene; mme Mowa o ne o ise o abiwe, gonne Jesu o ne a ise a boele kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong).

40Erile bontsintsi bo utlwa a buajaana, bangwe ba bone ba re, “Ammaaruri monna yo ke moporofiti yo o tlaa tlang pele ga Mesia.” 41
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 7:42.
42
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 7:41-42.
Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.”
43Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe.

44Mme bangwe ba batla gore a tshwarwe mme ga seka ga nna ope yo o mo amang ka letsogo.

Baeteledipele ba Bajuta ba ba sa dumeleng

45Mapodisi a Tempele a a neng a romilwe go mo tshwara a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarasai. Mme tsa feta tsa ba botsa tsa re, “Ke eng lo ne lo sa tle le ene?”

46Mme mapodisi a dumaduma a re, “O bua dilo tse di hakgamatsang! Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.”

47Mme Bafarasai ba fetola ka tshotlo ba re, “Go raya gore le lona lo timeditswe?” 48“A go na le mongwe mo go rona babusi ba Sejuta kgotsa Bafarasai yo o dumelang fore Jesu ke Mesia? 49Bontsintsi jo jwa dieleele bo a dumela, ee, mme baitse ka ga gone? Le gale ba hutsegile!”

50Mme Nikodemo a bua. (A lo a mo gakologelwa? Ke ene yole yo e neng e le moeteledipele wa Sejuta yo o neng a tla ka sephiri go tla go buisanya le Jesu), 51A botsa a re, A go ka fa molaong go atlhola motho pele ga a sekisiwa?

52Mme ba mo gakalela ba re, “A le wena o Mogalalea yo o tlhomolang pelo? Tlhatlhoba dikwalo o iponele, ga go na baporofiti ba ba tlaa tswang kwa Galalea!”

53Mme phuthego ya phatlalala mongwe le mongwe a ya gae.
Copyright information for TsnLEF